26 May 2018


THE OFFICIAL BOKONE BOPHIRIMA GOVERNMENT NEWSPAPER

Kgosi Mangope o robaditswe kwa gaabo kwa Motswedi

by: Lillian Sebolao   date: 02 february 2018

Fa serepa sa ga Kgosi Manyane Mangope se ne se goroga kwa kgotleng yoo Manyana letsatsi pele ga phitlho, se pegilwe mo koloing ya ditimamolelo, bangwe ba morafe ba ne ba kgobokanela kwa kgotleng go ya go se amogela jaaka e le moono wa se-Afrika go amogela moswi. 
 
Ke moono wa Boo-Manyana gore fa rre wa lekgotla a tlhokafetse, setopo sa gagwe se fetisiwe kwa kgotleng gore a robalelwe ke ditlhokwa. 

Serepa sa ga Kgosi Mangope se ne se eteletswe pele ke boradikuta, ba le bona ba neng ba tlile go mo neela tlotla. Le fa go tsere sebaka se sekhutshwane fela gore serepa seno se fete kwa kgotleng, fela badimo boo Manyana ba ne ba itumetse.

Go ne ga tshologa pula ya matsorotsoro ka letsatsi la phitlho, sengwe se bangwe ba baagi ba se kaileng e le sesupo sa gore magodimo a ne a amogela morwa Semakaleng le Manyane.

Legale, seno ga se a ka sa kgoba boidiidi jwa batho ba ba neng ba thologetse phitlho eno marapo. Batlaphitlhong ba ne ba se ka ba akabala le go etsaetsega ka ntlha ya pula e e neng e tshologa mme ba thologela phitlho e e neng e nyeuma ka batho go tswa gaufi le kgakala.

Moswi Kgosi Mangope o tlotlilwe ke batho go tswa kwa dinageng tse di akaretsang Botswana, dinaga tse di kopaneng tsa Amerika le Afrika Borwa ka bophara. Dikgosi go ralala naga le tsona di ne di thologetse phitlho eno. 

Mongwe wa batlaphitlhong ke Mmupudu Mohase, yo  o kaileng fa a tswa kwa porofenseng ya Limpopo. Mohase a re o ne a sa itse Kgosi Mangope ka sebele, fela o tlile phitlhong ka ntlha ya fa e le mongwe yo o neng a rata mokgwa o kgosi eno e neng e itse go tshameka ka puo ya Setswana ka teng.

“Ke ne ke aga ke mo reeditse mo diyalemoyeng gongwe mo thelebiseneng, mme ka gale ke ne ke rata mokgwa wa puo o a neng a o dirisa. Ntlha e nngwe ke gore e ne e le motho yo o nang le tumelo e e tsepameng,” ga rialo Mohase.

Bontsi jwa dibui di kaile Kgosi Mangope fa e ne e le moeteledipele yo o tlisitseng diphetogo le ditlhabololo mo matshelong a batho ba le bantsi. Ka go tlhoka lesego, a ne a palelwa ke go isa balatedi ba gagwe kwa Afrika Bowa yo moswa, go ya go aroganya kitso le botlhale jwa gagwe le baeteledipele ba bangwe. 

Moatlhodi yo o rotseng tiro ga jaana, Dikgang Moseneke, o kaile Kgosi Mangope e le mokaloba yo o neng a le lefufa ka batho ba gagwe. A re le fa go na le bangwe ba a ba utlwisitseng botlhoko mo botshelong, fela o ba diretse tse ba neng ba di tlhoka.

Kgabagare, Mokhuduthaga wa Setso, Botaki le Merero ya Segosi, Ontlametse Mochware, o gakolotse Boo-Manyana gore fa ba sena go fitlha kgosi, ba neele kutla gongwe serubi sa bogosi gore se ithune le go sekaseka gore ke mang yo o tshwanetseng go tsena mo ditlhakong tsa ga moswi Kgosi Mangope. 

Mochware o buile seno ka nako ya tirelo ya matshediso. O gakolotse baagi gore ga se mongwe le mongwe yo o tshwanetseng go tsena mo mererong ya bogosi kwa ntle ga gore dikgoro gongwe serubi sa bogosi se rebole jalo. Mochware a re le tsona dirubi tsa segosi di tshwanetse go dira tiro e e duleng diatla gore kwa morago go seke gwa lwelwa bogosi. O gateletse gore puso ga e itshunye mo mererong ya bogosi. 

“Serubi sa bogosi ke sona fela se se re kaelang gore ke mang a tshwanetseng go nna kgosi. Jaaka go diragetse gore e re Kgosi Mangope a sa ntse a le mo botshelong, ba bogosi Boo-Manyana morago ga gore ba lemoge fa Kgosi Mangope a ne a setse a le bokoa, ba kopanya ditlhogo mme ba tsaya tshwetso ya gore Kwena Mangope a tshwarelele go fitlhela ba tlhoma kgosi ya leruri. 

“Fela, se re se itseng ke gore Kgosi Manyane Mangope ke morwa Kgosi Manyane Mangope, yo e rileng mo phularong ya gagwe, serubi sa bogosi sa mo tlhoma mo bogosing.

“Ka jalo, re solofela gore Boo-Manyana fela jaaka le ne la tla go re raya lo re lo dumelane gore Kwena a tshwarelele bogosi jwa ga rragwe, re solofela gore le tla boela gape kwa pusong lo e itsise gore le batla go busiwa ke mang. Puso ga e tle go le kotela gore e batla gore mang e nne kgosi, re etelelwa pele ke lona morago ga gore le dumelane. Puso yona e netefatsa fela se kutla ya segosi e se ba nayang.
 Fela, puso ga e batle go bona dikgogakgogano mo mererong ya tatelano ya bogosi.”