15 July 2018


THE OFFICIAL BOKONE BOPHIRIMA GOVERNMENT NEWSPAPER

Badiri ba Ramotshere Moiloa ba gakologelwa Letsatsi la Bašwa

by: Dirontsho Sebego le Refilwe Mooketsi   date: 22 july 2018

 

June 16 ke letsatsi la segopotso sa ditiragalo tse ka tsona bašwa
ba bonnye jo bo ka balelwang go 23, ba neng ba latlhegelwa
ke matshelo ka nako e ba neng ba lwa
kgatlhanong le go patelediwa go rutiwa “Bantu Education” kwa dikolong.
E ne e le ka nako ya setlha sa mariga ka
ngwaga 1976, fa diketekete tsa baithuti ba batho bantsho ba ne ba gwanta go
tswa kwa lebaleng la metshameko la Orlando kwa Soweto. Leeto la bona ga le a
ka la fela sentle gonne ba ne ba tlhaselwa
ke balaodi ba matsholotshireletso le
sepodisi.
Kwa setlhoeng sa ditshupetso tseno, e
ne e le go lwantsha tiriso ya puo ya Afrikaans mo dikolong tsa batho bantsho. Ba
ne dira jalo ba opela dipina tsa kgololosego
fa ba tla iphilhela ba dikaganyeditswe ke ba sepodisi ba tlhometse go utlwala.
Badiri ba Masepala wa Selegae wa
Ramotshere Moiloa, ba ne ba ne mo bekeng e e fetileng ba gakologelwa letsatsi
leno ka go apara meaparo ya baithuti
ba dikolo tse di farologaneng. Seno e ne le go supa fa ba lemoga le go lebogela
seabe sa baithuti ba ba neng ba ipopa ngatana e le nngwe go lwantsha thuto e
e neng e gatelela ditshwanelo tsa bona
tsa botho. Bangwe ba baithuti ba ka nako eo, ba ne ba ne ba tswa dikgobalo tse di
tseneletseng fa bangwe ba ne ba tlhokafala.
Badiri ba masepala ba tlhalositse fa ba sa apara meaparo ya sekolo go kgatlhisa batho, mme e le go lebogela ditshono tsa
thuto tse ba di boneng ka ntlha ya kgaratlho
ya bagaka ba 1976.
Remofilwe Keebine, yo e neng e le moithuti kwa sekolong se segolo sa Motswedi, o ne a bua mo boemong jwa
badiri ba ba neng ba tlotla letsatsi leno.
“Ga re a apara jaana fela go kgatlhisa
batho. Re tlhotlheleditswe ke seabe se bagaka ba rona ba nnileng le sona go
lwela kgololosego mo lephateng la thuto.
Re fitlheletse dilo di le dintsi ka ntlha
ya kgaratlho ya bona, moo ba bileng ba
fetoga batswasetlhabelo ba go lwela kgololesego.
“Re a ipela e bile re motlotlo ka bona ka ba tlhabane ntwa e re sa itseng gore
aa baithuti ba gompieno ba ne ba ka e kgona. Ba re diretse molemo tota gonne gompieno re roba maungo a se ba se lemileng. Ka go rialo, re a re ba tla nna ba
le mo dipelong tsa rona ka dinako tsotlhe,”
ga tlhalosa Keebine.
Meyara wa Ramotshere Moiloa, Kereng Mothoagae, jaaka e ne e le mongwe wa setlhopha sa baithuti ba kwa Soweto ba 1976, o tlhalositse fa baithuti ba nako eo
ba neetse ka matshelo a bona go kgaratlhela go fedisiwa ga puo ya loleme la
Afrikaans mo dikolong tsa bantsho.
“Re ne re tsaya Afrikaans jaaka puo ya
batho ba ba re gateletseng, ka jalo ra
bona go tshwanetse gore re lwele seo.
Ke ne ke le moemedi wa baithuti kwa ke
neng ke le moithuti teng ka nako eo. Re
ne ra tlhaselwa fela ntle le go sekegelwa tsebe, go ne go thuntshiwa dikolo tsa rabara
gammogo le gase ya dikeledi. Bangwe
re ne ra nna lesego fa go ne go phatlhalalwa
re sa ikaelela, ra gatagatana re tshaba loso fa ba bangwe ba ne ba latlhegelwa
ke matshelo a bona.
“Seo se ne sa re tlogela re rwele matsogo
mo ditlhogong morago ga go latlhegelwa
ke bangwe ba ba neng ba na le rona. Ba bangwe ba ne ba robega fa bangwe
ba ne ba tswa dikgobalo tse di masisi,”
ga rialo Mothoagae. 
“Hector Pieterson le Hastings Ndlovhu,
ke baithuti ba le babedi ba ba neng ba
latlhegelwa ke matshelo a bona go tswa mo go thuntsheng ga mapodisi. Maemo
a ne a tswile mo taolong mo bangwe ba baithuti ba neng ba lelelwa ke ditshipi e
bile ba ganelwa le ka beile. Ke motlotlo thata go bona go sa ntse go na le batho ba ba tlotlomatsang bagaka bano,” ga tlhalosa
Mokhanselara Mothoagae.