17 November 2018


THE OFFICIAL BOKONE BOPHIRIMA GOVERNMENT NEWSPAPER

Baagi ba tshwaela ka go fetolwa ga Molaotheo

by: Lillian Sebolao   date: 03 August 2018

Mo dibekeng tse pedi tse di
fetileng, Komiti ya Palamente ya Bosetshaba e e itsegeng
ka Joint Constitutional Review Committee, e ne e boloditse metseletsele
ya dipuisano le baagi go sekaseka
kgonagalo ya gore a go ka fetolwa Karolo ya 25 ya Molaotheo, go latela taelo
ya Palamente ya Bosetshaba ya gore a
lefatshe le ka gapiwa ntle le tuelo.
Mo porofenseng ya Bokone Bophirima, dipuisano tseno di ne di tshwaretswe kwa
didikeng tsa Dr Ruth Segomotsi Mompati
kwa Taung, Ngaka Modiri Molema kwa Mahikeng le sa Bojanala kwa Rustenburg.
Dipuisano tseno di tshwarwa go ralala
naga ya Afrika Borwa morago ga gore Palamente ya Bosetshaba e ntshe taelo
ya gore go bolodiwe letsholo la go utlwa
maikutlo a baagi ka kakaretso gore a Karolo ya 25 ya Molaotheo e ka fetolwa
go letla puso go gapa lefatshe ntle le tuelo.
Le fa baagi ba ne ba thologela dipitso tseno ka makatlanamane, go ne go lebega
e kete dipuisano di farologanya batho ka mmala, gonne basweu ba ne ba
bona e kete ba a gatelelwa fa ba mmala
wa sebilo bona ba ne ba na le maikutlo a gore ba tseetswe lefatshe ka dikgoka ka
motlha wa puso ya tlhaolele.
Kwa kopanong ya kwa Taung, moemedi
wa Agri-North West o ne a tlhalosa fa go tsewa ga lefatshe ntle le tuelo go tlile
go koafatsa maemo a ikonomi ya naga gonne balemirui, segolo ba basweu, ba
tlile go tswa mo nageng go ya go batla
bonno kwa dinageng di sele. A re seno se ka ama tlhagiso ya dijo mme se bake
lehuma ka ntlha ya fa dijo di tla bo di rekwa ka tlhotlhwa e e kwa godimo.
O tlhalositse fa keletso ya gagwe e le ya
gore basweu le bantsho ba dire mmogo jaaka ba ntse ba dira, mme batho ba se
ke ba tseelwa mafatshe ka ntlha ya fa e le bonno jwa bona. O kaile fa go tseelwa
lefatshe ntle le tuelo, e le kgatelelo
go batho ba ba nang le mafatshe gonne ba sa a bona ka dikgoka. A re se ba se
lemogang jaaka balemirui, ke gore puso ga e na boikanyego mo go bona gonne fa e ka bo e ne e na le boikanyego, e ka
bo e buisana le bona go bona gore ba ka thusana jang go tsweletsa naga eno pele.
Mongwe wa baagi, Sello Motlhabeng, ena o rile go a gakgamatsa gore puso
e bo e buwa ka go gapiwa ga lefatshe, etswa go tsewa ga kgato eno go se kitla
go ama lefatshe fela, mme go tla ama le dilo di tshwana le dikago le sengwe le
sengwe se se tla bong se le teng mo lefatsheng
le le amegang. A re puso e na le lefatshe le le ntsi le e sa le diriseng, mme
fa e ka bo e ne e le abela bahumanegi,
go ne go ka ba tswela mosola. 

Dikemedi go tswa mekgatlhong ya dipolotiki
jaaka ANC le EFF, di gateletse
ntlha ya gore lefatshe le tshwanetse go
gapiwa ka dikgoka le go busediwa go
beng ba lona bao basweu ba sa bolong
go le ba tseela ka dikgoka dingwaga di
feta lekgolo tse di fetileng. Dikemedi di
tlhalositse fa baagi ba tshwanetse go

boelwa ke mafatshe a borrabona ba a
tseetsweng gonne ga jaana bantsho ba
tshelela mo tshotlegong ka ntlha ya go
tlhoka lefatshe.
Bangwe ba basweu ba ne ba bona go
se maleba gore lefatshe le tsewe ntle
le tuelo e bile go lebega ekete go tla bo
go dirwa jalo ka pateletso. Ba re ga ba
eletse go bona naga ya Afrika Borwa e
fetoga go tshwana le ya Zimbabwe, kwa
bontsi jwa dipolase tsa basweu di neng
tsa tsewa ka dikgoka ke puso. Ba re mo
nageng eno ba itumelela gore ba bo ba
tshela sentle kwa ntle ga dikgogakgogano
tse di amanang le lefatshe.
Le fa bangwe ba dikgosi ba ne ba dumelana
le ntlha eno, bangwe ba baagi
ba supile fa ba sa kgotsofadiwe ke gore
kwa meteseng ya dikgosi le gona go na
le mokgwa wa go itseela mafatshe ntle le
go rerisana le bona.
Kgosi Mogakolodi Masibi wa kwa motseng
wa Disaneng mo Sedikeng sa Ngaka
Modiri Molema, o tlhalositse fa ba sa
bolo go dira dikopo tsa go boelwa ke mafatshe
a bona mme go fitlha ga jaana ba
sa ntse ba letile, ka jalo a re fa lefatshe
le ka gapiwa ntle le tuelo go ka ungwela
baagi.
Modulasetilo wa Joint Constitutional
Review Committee, Vincent Smith,
o tlhalositse gore le fa mo mabakeng
mangwe go ne go na le dikgothakgothano
magareng ga baagi, fela o itumedisitswe
ke gore dikopano tsotlhe tse
di tshwerweng mo porofenseng di tsamaisitswe
ntle le dikgoreletso dipe. A re
o lebogela matlhagatlhaga a baagi ba a
supileng mo go tseyeng karolo ga bona,
ba kgona go tlhagisa maikutlo a bona ba
sa ikobonye.